Maatla a lerato
Maatla a lorato
Maatla a lorato, pelo e mela maoto
E utlwa leina la gago
O nale maatla ago fetola megopolo ya rona
O maatla ole esi gao tlhoke tsala
O refitlhile matlho ka bubi ra tlholwa ke go bona kotsi
Gaele pelo yone
E rata e ratile
E tshepa e tshepile
Ka ipotsa gore chefu eo e fileng yone ke entseng jang!
O katetse bale bantsi ka lebitla
Ke phuphurile a tlhogo
Ke ipotsa gore go latela mang?
O setlhogo ele ruri
O botlhoko jaaka santlhoko
O kare o legapu le tsenwe ke phefo
O tshwana le leeba, otja gotlhe gao tlhope
Gotswa losikeng laboraro goya go labone
O kgaoganya motsadi le ngwana
O tlhobaetsa boroko...
Banna le basadi,
Makwalo a tlhalano ekare Dr's appointment
Heela motho o montsho, se itire nkare wankitse,
Tswela pele o rate o itshiela
Barapedi tswelang pele le kgobogeng mangwele le a rapediseng
@misspru